01/07/2024
Leitibolo lwa ntlo-kgolo ya bogosi jwa ga Kgosikgolo Nôtô-a-Morolong e ne ya nna mošimane yo a neetšweng leina – Morara.
Go belaelwa ha e ne e le ka pušo ya gagwe Kgosikgolo Morara yo, ha Barolong ba tshela noka ya Limpopo mo phudugong ya bone ya go ya Borwa (Southward Migration) go tšwa ntlheng ya Matsha A Magolo (Great Lakes Region).
Bangwe bare ke ka yone paka e, ha Barolong ba simolola go ana Tholo. Go umakwa ha e ne ya re nako nngwe, ba le mo komelelong mme ba tlhoka metsi, ba sala motlhape wa ditholo morago go itlha o ba tsenya kwa nokeng, mme morago ga go nwa, ba simolola go
ana tholo ka e ba thusitse go bona metsi.
Ha re itse gore a noka e, e ne e le yone ya Limpopo kana e go buiwang ka yone ke e ba kopaneng le yone moragonyana, ya Molopo.
Banna ba ba dutseng mo setilong sa bogosi morago ga lošo lwa ga Kgosikgolo Morara, e ne ya nna:
● Kgosikgolo Mabe
● Kgosikgolo Mabua
● Kgosikgolo Manoto
● Kgosikgolo Mabeo
Kgosikgolo Mabeo o ne a latelwa ke Kgosikgolo Modiboa, yo
bakwadi ba maloba ba umakang ha a busitse morahe ka nako eo ba neng ba le kwa Molemane (Ottoshoop). Barwa' Modiboa, bao re itseng ka bone, ke Mooki le Tshesebe.
Mokwadi wa history, e b**g Modiri Molema, o re itsise ha bogosi go tšwa go Kgosikgolo Mabe go itlha go Kgosikgolo Modiboa-a-Mabeo, bo tseile dingwaga di ka nna lekgolo (100 years).
Ka Kgosikgolo Modiboa le morwa’e o mogolo- Mooki- ba ne ba rata go tšoma diphologolo tsa naga, e ne e tle e re kgotla e dutse, ba bo ba batliwa...ba ile kwa sekgweng.
Go bonala o kare morwa’ Kgosikgolo Modiboa yo monnye- Tshesebe- e ne e tle e nne ene a etelelang kgotla pele ha Rragwe le mogolo’e ba tsene ka lenga la seloko jalo.
Ka jalo, khuduthamaga e ne ya heletsa e tlhobogile Kgosikgolo
Modiboa le Mooki; mme ba simolola go tsitsinya gore Tshesebe e
nne ene a tsayang bogosi.
Seo, sa baka kgoga-kgogano magareng ga barwa ba Kgosikgolo
Modiboa; mme Tshesebe a huduga kwa g*e kwa Molemane (Ottoshoop) le balatedi ba gagwe; go itlha a tsena le go simolola motse wa gagwe o moša; o a o neileng leina- Setlagole.
Setlagole, gompieno, e dikilo-metara di ka nna mašome a šupa le borataro (76 km) go tswa Mahikeng; mo tseleng ya N18 e e yang kwa Vryburg.
There are a lot of facts missing in this post, but they can be found in the book.
Please inbox the Author- Gape Nôtô Mogotsi- ONLY if you want to buy the book.